Mogaetsho, itse ha tlhaloso e harologana go ya kwa mothong mongwe le mongwe le mo meraheng ka go harologana. Ka tsweetswee itse ha maele a ke a tlhalositse go ya ka mo ke a tlhaloganyang ka gona. Ha go na le ditlhaloso tse di harologaneng le tsa me go siame ebile seo se kaya phapaano mo lelemeng la Setswana.
Go akga loleme : Go bua maaka
Go apeela thukgwi/noko le mala : Go sa tlogele sepe
Go bapalela ditloo mo kgetsing e e letshoba : Go bereka ka thata mme o sa ungwelwe sepe
Go bapolela dimapo tlapeng : Go senya nako mo selong se se senang mosola
Go batla gotswana lwa phiri : Go dira tiro e e sa kgonegeng
Go baya pelo/Go diga makgwafo : Go isa maikutlo kwa tlase
Go bega pitsa o tshotse molelo : Go itsenya mo kotsing
Go betsana ka noga e utlwa : Go lwa
Go bipa mpa ka mabele : Go hitlha sephiri
Go bogola poo e tsweletse ka go bopa : Go leka mme o sa bone katlego
Go bokalatsa dintshi : Go robala ka leitlho le le nosi
Go bona ka letshotsha : Go bona sengwe e se ka maikaelelo
Go bona nta di fuduga : Go nna mo mathateng
Go bonela letsatsi pele : Go nna le maitemogelo
Go bowa ka nngoba e sa fotlhwa : Go bowa o sa tshwara sepe
Go bua diphirimisi : Go bua dilo-disele
Go di emela : Go arabela ditiro tsa gago
Go di gama o sa di tlhapela : Go tsena mo mathateng
Go di gamela mo thotaneng : Go nna le mathata
Go di kapa : Go tagwa ke bojalwa
Go di tlhaolela di bekerwe : Go tsiboga thari
Go direlwa fela o se naga : Go bona dilo bonolo
Go e nametsa thaba e tlhotsa : Go oketsa mathata
Go ema motho nokeng : Go tshegetsa motho
Go epela selepe : Go dira kagiso
Go eta ka loleme : Go hetola loleme lwa ga mmago ha o bua le batho ba maleme a sele
Go fa wa bo o ipeela : Go thusa batho go ka dira gore kamoso le wena o thusiwe ha o le mo mathatateng
Go fatlha magotlo : Go ntsha metsi(motlhapololo)
Go fetoga phuti boloko : Go sia
Go fisa baeng marago : Go itlhaganesisa moletlo wa baeng
Go fitlha lesiela : Go hitlha go sa phuthologa
Go fitlhela naga e le tshetlha : Go hitlhela go sena ope
Go goga motho loleme ese kgaga : Go pateletsa motho gore a didimale
Go gogola dikgomo ka mono-wa-thoko : Go huma kwa ntlengga go dira tiro e ntsi
Go gopolwa ka kgamelo : Go gopolwa hela ha go thlokiwa thuso ya gago
Go ikoketsa marago ka majwe : Go itira botoka mo go ba bangwe
Go inaya naga : Go sia
Go inosa ka nkgo : Go itirela boithatelo
Go ipha naga : Go sia
Go isa marapo go beng : Go robala
Go isa nonyane Borwa : Go dira tiro e e sa tlhokegeng(e e senang mosola)
Go isa phuduhudu bosarwa : Go dira selo se s e setseng se dirilwe
Go itaana ka noga e tshela : Go tlhoyana
Go itaya ka kwano : Go hosa
Go itaya kgomo lonaka : Go bua nnete
Go itaya se folletse : Go palelwa
Go itekanya morwalo : Go itekanya morwalo
Go itewa ke sechane : Go tlhabiwa ke ditlhong
Go itlantla diteme : Go tlhoka nnete
Go itlhaba ngololo : Go itlhaba ngololo
Go itlhatlaganyetsa magala tlhogong : Go itsenya mo mathateng
Go itoma sekgono : Go dira tiro e e sa kgonegeng
Go itsala jaaka peba : Ha ditiro/dipopego tsa gago di tshwana le tsa bana ba gago
Go itshela moriti o tsididi : Go itira yo o sa itseng sepe
Go itshwara madi : Go bolaya wa losika la gago
Go ja dijo tsa ditoro : Go eletsa
Go ja ga go die, go dia go dira :
Go ja masepa a bankane ba gago : Go sa atlege
Go ja mokaragana wa botshelo : Go ja monate jwa botshelo
Go ja monate : Go ja monate
Go ja motho direthe : Go bua motho maswe kgotsa go dira ditiro tse di maswe ha a sa go leba
Go jesa dijo tsa ditoro : Go lora motshegare
Go kalakatlega jaka poo ya mariga : Go tlalatlala
Go kgora ka mpa tsoo pedi : Go kgora thata
Go kgotla semane : Go itsosetsa kotsi e e sa go lebaganang
Go khola naka lwa tholo : Go dira tiro e e thata
Go kopana le dinta di fuduga : Go kopana le kgwetlho e e masisi
Go kopanela mo kobong ya kgomo : Go kopana lo tlhokahetse
Go kopa sego sa metsi : Go batla mosadi
Go laolwa ke lonao : Go tlhoka go nna mo lehelong le le lengwe nako e e telele
Go le aramela le sa go tlhabetse : Go dirisa tshono
Go lebotsa phokoje : Go sia ka lobelo o iphalotsa
Go leele ke ko marung : Ga gona tiro e e sa kgonegeng
Go leka tumelo : Go leka tumelo
Go lela dikeledi tsa mathe : Go itidisa
Go lema lopetleke : Go tsena mo mahelong otlhe
Go lemotsha tlholo mooelo : Go thusa mongwe kgotsa sengwe go sia
Go loma ka tlhaa : Go tshwara bothata
Go loma o fodisa : Go itira ekete o a kgathala
Go loma tsebe : Go tsibosa mongwe ka sengwe
Go longwa ke noga maoto oo mabedi : Go tsamaya ka bonya
Go nkgisana magwafa : Go gaisana
Go nna borethe fela jaaka tlhapi : Go bua maaka bonolo mme o se belaelwe ke ope
Go nna dikobo magetleng : Go humanega
Go nna dinala : Go utswa
Go nna disanyana : Go neela bopaki/bosupi
Go nna fa gare ga dinaka tsa nare : Go nna mo mathateng
Go nna gopane wa moikapari : Go sokola/Go sotlega
Go nna ka diatla : Go nna bodipa
Go nna kobo dikhutshwane : Go humanega
Go nna loleme : Go bua thata
Go nna loleme lo borethe : Go dumelwa ke mongwe le mongwe le ha o ka tswa o sa bue nnete
Go nna makgabe a dipapetla : Go itlhaganela
Go nna malao a tshwenyo : Go tshwenya thata
Go nna matlho mantsi : Go nna le dikgolaganong tse dintsi tsa marato
Go nna modidi wa nta e e motopo : Go humanega mo go heteletseng
Go nna modiga : Go nna modirakagiso
Go nna moipolai yo o sa llelweng : Go itsenya mo mathateng ka maikaelelo
Go nna mosima wa phika ka marago : Go nna mo maemong a a thata
Go nna nta ya selomela kobong : Go sa tshepege
Go nna teme pedi o se gopane : Go sa ikanyege
Go nna tsebe di telele : Go tsena dikgang tse e seng tsa gago
Go nna tsebe ntlha : Go reetsa ka tlhoahalo
Go ntshana se inong : Go nna mo kgolaganong e e edisang
Go ntshwarisa moletse wa namane ke le nosi : Go imetsa go sa tlhokege
Go nya phuthi boloko : Go sia
Go palama ka mekwatla ya ba bangwe : Go dirisa batho go hitlhelela se o se batlang
Go patisa poo ka letshwagola : Go kgamelela mongwe a sa solohela
Go rata batho jaaka tlala : Go nna bonolo mo bathong
Go rekela kolojane kgetsing : Go reka sengwe o sa itse gore ke eng
Go roroma dirope : Go tshosa thata
Go rothisa mmutla madi : Go bua sephiri
Go ruta tshwene mapalamo : Go ruta mongwe ka sengwe se a setseng a se itse
Go setela dimapo : Go beela mongwe serai
Go sha ke ogolang : Go nna molato
Go siiwa ke none e tlhotsa : Go palelwa ke go tsaya tshono e e bonolo
Go thuba pelo : Go ntsha maikutlo ka mokgwa wa go bua kgotsa go lela
Go tla kgomo di bolotse : Go tla thari
Go tlhaba kgobe ka mmutlwa : Go iketla
Go tlhaba podi matseba : Go neela tshedimosetso
Go tlhaba-tlhaba mpa ka mmutlwa : Go senya sengwe se se molomo/se se siameng
Go tlhabisa ditlhong : Go tlhabisa ditlhong
Go tlhanola direthe : Go sia
Go tlhoboga khudu e rathwa : Go ikgatholosa tshotlakako
Go tlholwa ga se go mela dinaka : GO sa atlege ha go reye gore o seke wa tswelelal pele
Go tsalwa ka meno : Go bonwa o siametse
Go tsamaya ka pula, o goroge ka pula : Go nna lesego mo tseleng
Go tsamaya ke go bona : Re ithuta go tswa mo diphosong tsa rona
Go tsamaya le lorole : Go nna hela o aparetswe ke mathata
Go tsena ka lenga la seloko : Go nyelela
Go tsena motho ganong : Go bua pele mongwe a ka hetsa go bua
Go tsenya khadi monwana : Go senya
Go tsenya kwena gae : Go tsenya sera sa gago mo lelapeng la gago
Go tshela noga mmu : Go gakatsa maemo
Go tshosa ke meroro : Go bua thata mme go sena tiro
Go tshwara noga mogatla : Go dira tiro e e ka go tsenyang mo mathateng
Go tshwara phage ka mangana : Go dira tiro e e thata
Go tshwarisa logaga : Go nna o tshwere lobaka lo lo leeele
Go tswa ka dikgoro ha se go latlhana :
Go tswa ka soba ja mogodu : Go tswa mo maemong go se bonolo
Go tswa ke Modimo : Go welwa ke bati
Go tswa ko ga lowe : Go tswa kwa matshimologong a nako
Go tswa lefetwa : Go sa tlhoke go nna mo kgolaganong ya marato sebaka
Go upa maraka tau e setse e tlhasetse : Go lelela tiro e e ka sekeng ya busetswa kwa morago
Go utlwa ka tsa ga morakile : Go sa utlwe sentle
Go wela dingalo : Go nna mo mathateng
Go ya dira o se thata : Go dira tiro e o sa e ipaakanyetsang
Go ya le kgomo ngakeng : Go duela ka ponyo ya leitlho
Go ya magaleng gabedi : Go tsena mo mathateng gabedi